Jump to content

Ama Qamata

Go tswa ko Wikipedia
Ama Qamata

Amamkele Lithemba Qamata o tshotswe ka la 2 Lwetse 1998. Ke motshameki wa mosadi o tlhagelela mo Aforika Borwa. O itsege thata ka seabe sa gagwe sa go nna Buhle Ndaba mo thulaganyong ya Mzansi Magic Gomora le Puleng Khumalo mo thulaganyeng ya Netflix Blood & Water.[1]

Tsa Botshelo

[fetola | Fetola Motswedi]

Qamata o tsholetswe kwa Eastern Cape kwa motseng wa Cala mo go Sakhisizwe Local Municipality. O fuduetse kwa Johannesburg le ba leloko la gagwe fa a ne ale dingwaga dile tharo.

Ka ga Thuto

[fetola | Fetola Motswedi]

Qamata o nnile le temogo ya go diragatsa mo telebiseneng ka ntlha ya dithulaganyo tsa sekolo mme o tlhagile ga ntlha mo telebisheneng ka dipapatso. Ke moithuti wa Reddam House Bedfordview, morago ga go falola mophato wa marematlou ka 2016, o ne a tsaya ngwaga a le gae asa dire sepe. O ne a tsena kwa University of Cape Town kwa a boneng dikerii ya go dira ka tsa go tlhagelela mo telebiseneng le go diragatsa, e fela a ikgogela morago go tswa mo setheong ka ngwaga wa gagwe wa bobedi.[2] [3]

Ka dingwaga dile 17, Qamata o ne a tlhagelela mo telebisheneng e le motshameki Naledi mo motshamekong wa metlae wa My Perfect Family mo SABC 1.[4]

Morago ngwaga oo o tlhageletse mo Netflix Blood & Water.[5] Qamata jaaka ane a tlhagelela e le motshameki, Puleng, yo a naleng kgaitsadi yo oneng a thopiwa a tsholwa, le Puleng a leka go rurifatsa gore mothumi yo atlegileng go tswa go sekolo se se kgethegileng le lelapa la gonna le madi amantsi ke ena kgaitsadi ya gagwe.[6] Kutlwano Ditsele, motsamaisi wa Blood & Water, ke ene motsamaisi wa Gomora mme o laleditse Qamata go ya go tlhatlhobiwa ka dipotso, se a neng a se dira ka katlego.[7]

  1. La Jeunesse, Marilyn (10 June 2020). "Ama Qamata speaks about her leading role on Blood & Water". Teen Vogue. Retrieved 22 October 2020.
  2. Varsity dropout? Ama Qamata’s academic qualifications revealed (msn.com)
  3. Cite error: Invalid <ref> tag; no text was provided for refs named TRULOV
  4. A snapshot of our Mind&Body Issue featuring Ama Qamata (glamour.co.za)
  5. Blood and Water star Ama Qamata on season 2 and what happens next (digitalspy.com)
  6. "A bond that goes beyond the screen". The Sunday Independent. 14 June 2020. https://pressreader.com/article/281981789831032. 
  7. Blood and Water star Ama Qamata on season 2 and what happens next (digitalspy.com)